Kakaretso Tshekatsheko eno e e tseneletseng ya Decolonizing Linguistics e baya kgatiso eno mo gare ga dikganetsano tsa Amerika Borwa ka ga sekolone go botsolotsa melelwane ya dipuisano tsa segompieno tsa go tlosa bokolone mo thutapuong ya Seesemane. Ke ikaegile ka tshekatsheko ya ga Cusicanqui ya mogopolo wa go ganetsa sekolone, le mogopolo wa ga Bispo, le one e lewa kganetsosekolone, ke akanya gore kgatiso eno (le thutapuo jaaka karolo ya thuto ka bophara), gantsi e dira se ke se bitsang go gana (sekolone) mo go tlhaelang: go le dilo tse di supang o kare go na le phetogo e e tseneletseng, mme ka sebopego le ditsamaiso, diphetogo tse di santse di ikaegeile thata ka sekolone jaaka go itshupa mo tebegong ya dithuto, bokwadi, le go nopola bakwadi ba bangwe. Go fitlhelela moono wa kgang, tshekatsheko e e sala morago dikgotlhang magareng ga ditiro tse di remeletseng mo setšhabeng tsa go rutlolola sekolone le mekgwa ya ditheo e e laolang gore go sa nne kganetsosekolone e e tseneletseng. Go ikaegilwe ka tshekatsheko ya me ka ga go ganetsa sekolone mo go sanitlamang. Ke gatelela gore go fetola thutapuo tota go tlhoka gore go lebaganwe le dikgotlhang tse, le go nonotsha mekgwa ya go dira dikitso mmogo, mo go akaretsang dipuo tse dintsi, ebile go thaetswe mo go berekeng le setshaba go tlisa diphetogo, eseng puo ya dipounana fela e e senang boleng e bile e se kake ya tlosa sekolone.
Rodrigo Borba (Thu,) studied this question.
Synapse has enriched 5 closely related papers on similar clinical questions. Consider them for comparative context: